Go nna le ngwana e tlile go nna nngwe ya ditiragalo tse di kgotsofatsang tota mo botshelong jwa gago, le fa go lapisa tlhaloganyo (stressful). Mo le-tlhakoreng le lengwe, o emetse ka boitumelo go goroga ga ngwana wa gago morago ga dikgwedi tse robongwe. Le fa go le jalo, gape mo letlhakoreng le lengwe o tlabo o akantse ka ga tsela ya go netefatsa gore kgabaganyo ya ngwana wa gago go tswa mo popelong go goroga mo lefatsheng e diragala ka manokonoko (trauma) a le mannye ka moo go ka kgonagalang ka teng.
Ka go itse ditlhopho tsa gago gammogo le go ikgolaganya le motlamedi wa tirelo ya gago ya boitekanelo, o ka dira tshwetso e e nepagetseng go wena le ngwana wa gago. Boitekanelo jwa gago jwa kakaretso, gammogo le jwa ngwana wa gago yo o iseng a belegwe, di tla nna tsona di swetsang tlho-pho ya gago. Netefatsa gore o tlhaloganya se se tla diragalang gammogo le ditshiamelo (advantages) le seng ditshaimelo (disadvantages) tsa ditlhopho tsa gago.
Go belega ka tlholego ka gale go simolola nako nngwe le nngwe e e sa lebelelwang mo sebakeng sa dibeke tsa 37 go fitlha go 42 tsa boimana.
Tshiamelo:
Wena le ngwana wa gago le bewa leitlho ka dinako tsotlhe ka nako ya go belega, e bile badiri ba tsa boitekanelo ba ba katisitsweng ba teng go go thusa fa o itemogela matsapa (complications).
Seng ditshiamelo:
Go bewa leitlho go gontsi go ka lebisa kwa tsereganyong ya kalafi e e sa tlhokegeng.
O ka batla go bewa kwa ga mothakga ka dilo tse o di tlwaetseng ka nako e, e bile bookelo ga se ka gale lefelo le le itume disang le go ka baya motho kwa ga mothakga.
Go belegela kwa gae
Go belegela kwa gae ke tlhopho e e babalesegileng, fa e le gore boimana jwa gago ga bo na mathata ape, mmoki-mmelegisi wa gago o dirisa ditlamelo tsa sešwengšweng tse di tsamaisiwang (portable) e bile o kgona go fitlhelela legae la gago ka nako.
Tshiamelo:
O itse sentle e bile o gololosegile mo lefelong le o belegelang ngwana wa gago mo go lona.
Seng tshiamelo:
Fa o ka itemogela matsapa, thuso e o tla e amogelang e ikaegile ka boitseanape jwa mooki kgotsa mooki-mmelegisi gammogo le bonolo jwa go fitlhelela bookelo, fa go ka tlhokega.
Go belegela mo metsing kwa gae kgotsa kwa bookelong
Se ke go belega ga tlholego go go diragalang ka fa tlase ga metsi e bile go ka dirisiwa jaaka tsela ya go fokotsa ditlhabi ka nako ya go belega.
Tshiamelo:
O kgona go sutasuta bonolo mo metsing.
Seng tshiamelo:
Go ka nna le kotsi ya tshwaetsego mo go wena le mo ngwaneng wa gago.
Ngwana o belegwa ka go sega mpa le popelo. Go ka boloka botshelo jwa ngwana le mmaagwe, fela ditlamorago (effects) tsa karo e kgolo le go robadiwa ka lomao (anaesthesia) di ka dira gore mme a itemogele matsapa.
Go itlhophela pelegi ya karo go a rulaganngwa ka nako ya boimana ka ntlha ya matsapa a kalafi kgotsa a obstetric, fa go tsewa gore pelegi ga e a bolokesega mo ngwaneng kgotsa mo go mmaagwe.
Pelegi ya karo ya Maemo a tshoganyetso e dirwa fa matsapa a diragala ka nako ya pelegi. Ka dinako dingwe go tlhokega ga pelegi ya karo, ga go a tlhapa go fitlha ka nako eo pelegi e tsweletseng, e bile bomme ba bangwe ba ba eletsang go belega ka tsela ya tlholego, go ka tlhokega gore ba belege ka karo.
Se se ka tlholwa ke mabaka a a latelang:
Go belega ga gago ga go diragale jaaka go tshwanetse. Se se ka diragala fa:
Go gagamala (contractions) go le bokoa thata,
Ngwana o mogolo thata, kgotsa
Go betsa ga pelo ya ngwana, go go tla bewang leitlho ka mokgwa wa motšhini wa seeleketeroniki wa pelo ka dinako tsotlhe ka nako ya pelegi, go ka kaya gore ngwana o na le mathata ka nako ya pelegi.
Fa e le gore ngwana wa gago o mo popelong ka maemo a gore tlhogo ya gagwe e kwa godimo mme maoto a kwa tlase (breech position) kwa bofelong jwa boimana jwa gago, go belega ka karo ke tlhopho e e nang le kotsi e nnye.
Boimana jwa masea a le mantsi ka nako (sekao, mafatlha)
Mo mabakeng a mangwe, go belega ka karo go botlhokwa.
Mme yo o tshwaeditsweng ke HI
Pelegi ya karo ke tsela e e eletsegang fa e le gore mme o tshwaeditswe ke HIV. Se se fokotsa kgonagalo ya go fetisiwa ga kokwanatwatsi ya HIV go tswa go mme go ya go lesea.
Pelegi ya karo ya Maloba
Mo mabakeng a le mantsi, tsela e e eletsegang ya go belega morago ga go belega ka karo, ke go belega gape ka karo.
Ditlamorago tse di ka diragalang morago ga tiragatso
Se ke tshwaetsego ya popelo e e nnang teng mo mala tsing a le mane go ya go a le supa morago ga karo.
E alafiwa ka melemo ya antibiotics.
Go tshologa madi
Go le gantsi go alafiwa ka melemo e e tlholang gore popelo e gonyele le go emisa go tshologa madi.
Kgobalo go dirwe tsa pelvic
Kgobalo mo setlheng kgotsa karolong ya mala go ka direga.
Boimana le pelegi ya karo di oketsa kotsi (risk) ya go nna le go thibana ga madi mo maotong, selo se se itsegeng jaaka deep vein thrombosis (DVT).
Bomme ba ba mo kotsing e kgolo ya go nna le DVT, ba ka fiwa molemo wa anticoagulant (molemo wa go sesafatsa madi) go fokotsa kotsi mo go bona.
O tlhoka go ikwadisa mo Lenaneong la Boimana go fitlhelela dithuso tsa gago jaaka leloko la nngwe ya ditlhopho tsa dithuso tsa GEMS.
% ya kelo ya Sekema;
Go robadiwa kwa bookelong go go sa lekanyediwang, gammogo le
Go akaretsa dithuso tsa boimana kwa sentlhageng sa maokelo a poraefete a a supilweng.
% ya kelo ya Sekema;
Lekanyeditswe go R26 680 go lelapa mo mabakeng a go robadiwa kwa bookelong;
Go tlhopha pelegi ya karo go ikaegile ka bolaodi jwa dikgetse gammogo le maikutlo a ngaka e nngwe (second opinion), e bile
Go belegela kwa gae ka R6 610 go moamogeladitshwanelo.
% ya kelo ya Sekema;
Go robadiwa kwa bookelong go go sa lekanyediwang, gammogo le
